Hebrews 13

Go reetsa Modimo

1Tswelelang ka go ratana ka lorato lwa boammaaruri lwa sekaulengwe. 2Lo seka lwa lebala go nna pelonomi mo go ba eleng baeng, gonne bangwe ba ba kileng ba dira jaana ba ne ba tshogana ka ba tshotse baengele ba sa itse gore a ke bone.

3Lo seka lwa lebala ba ba mo kgolegelong. Bogang le bone jaaka o ka re le lona lo mo kgolegelong nabo. Tlhakanelang kutlobotlhoko le ba ba sotlwang, gonne lo itse gore tshotlego e utlwala jang.

4Tlotlang lenyalo la lona le maikano a lone, lo bo lo nne phepa; gonne ruri Modimo o tlaa otlhaya botlhe ba ba bosula kgotsa ba ba dirang boaka.

5Ikgogeng mo go rateng madi; itumeleleng se lo nang naso. Gonne Modimo o rile, “Ga ke kitla, ke go tlogela le fa e le go go latlha.” 6Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, “Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang.”

7Gakologelwang baeteledipele ba lona ba ba lo rutileng Lefoko la Modimo. Akanyang kaga bomolemo jotlhe jo bo duleng mo matshelong a bone, lo bo lo leke go ikanya Morena fela jaaka ba mo ikanya.

8Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane, wa gompieno, le wa bosakhutleng. 9Ke gone lo se ka lwa gapiwa mewa ke dithuto tse dintsha tsa seeng. Nonofo ya lona ya semowa e tla e le neo e e tswang kwa Modimong, ga e tswe mo melaong e e itiretsweng ya go ja dijo dingwe, tsamaiso e e sa thusang ka sepe ba ba neng ba e dirisa.

10Re na le sebeso, mokgoro o Keresete o neng a ntshiwa setlhabelo mo go one, kwa ba ba tswelelang ka go batla poloko ka go obamela melao ya Sejuta ba ka sekeng ba thusiwa teng. 11Ka fa tsamaisong ya melao ya Sejuta moperesiti yo mogolo o ne a lere madi a diruiwa tse di bolailweng mo felong ga boitshepo e le setlhabelo sa sebe, mme morago ga moo ditoto tsa diruiwa tseo di ne di fisediwa ka molelo ka kwa ntle ga metse. 12Ke gone ka moo a neng a boga a ba a swela ka kwa ntle ga motse kwa madi a gagwe a neng a tlhatswa dibe tsa rona teng. 13Ke gone a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse (ke gore, kwa ntle ga dikgatlhego tsa lefatshe leno, re ineele go nyadiwa) go boga nae teng koo, re rwele kgobo nae. 14Gonne lefatshe leno ga se legae la rona; re lebeletse legae la rona la bosena-bokhutlo kwa legodimong.

15Ka thuso ya ga Keresete re tlaa tswelela re ntshetsa Modimo setlhabelo sa rona sa kgalaletso ka go bolelela ba bangwe kaga kgalalelo ya leina la gagwe. 16Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata.

17Ikobeleng baeteledipele ba lona ba semowa lo bo lo ineele go dira se ba se buang. Gonne tiro ya bone ke go tlhokomela mewa ya lona, mme Modimo o tlaa ba atlhola ka fa ba dirang tiro e ka teng. Dirang gore ba bolelele Morena ka lona ba itumetse mme e seng ka bohutsana, gonne le lona lo tlaa boga kaga dilo tseo.

18Re rapeleleng, gonne segakolodi sa rona se siame mme re batla go tswelela fela jalo. 19Nna tota ke tlhoka dithapelo tsa lona thata gone jaanong gore ke tle ke tle kwa go lona ka bofefo.

20
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bahebera 13:21.
21
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bahebera 13:20-21.
A jaanong Modimo wa kagiso, o o tsositseng Morena wa rona Jesu mo losong, o lo neye tsotlhe tse lo di tlhokang go dira go rata ga One. A ene yo o Modisa yo mogolo wa dinku ka kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le lona, yo o kanetseng ka madi a gagwe, a ntshe mo go lona ka nonofo ya ga Keresete tsotlhe tse di mo itumedisang. A Kgalalelo e nne kwa go ene ka metlha le metlha Amen.

22Bakaulengwe, tswee-tswee reetsang ka bopelotelele se ke se buileng mo lokwalong lo, gonne ke lokwalo lo lo khutshwane. 23Ke batla gore lo itse gore Mokaulengwe Timotheo o dule mo kgolegelong; fa a tla kwano ka bofefo, ke tlaa tla le ene go lo bona.

24
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bahebera 13:25.
25
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bahebera 13:24-25.
Ntumedisetsang baeteledipele ba lona botlhe le badumedi ba bangwe koo. Bakeresete ba ba kwano ba ba tswang kwa Itale ba a lo dumedisa. A tshegofatso ya Modimo e nne le lona lotlhe. Salang sentle.
Copyright information for TsnLEF